Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa
Molawana wa Maitsholo
Ke ikemiseditse go tlamela batho botlhe ba Aforika Borwa lefelo le le sireletsegileng le le le babalesegileng ka go -
nna le seabe mo maitekong a a lebisitsweng kwa go siamiseng mabaka a a tlholang bosenyi;
thibela ditiro tsotlhe tse di ka tsenyang tshireletsego kgotsa pabalesego ya setšhaba sengwe le sengwe mo kotsing; le batlisisa maitsholo a bosenyi a a ka tsenyang tshireletsego kgotsa pabalesego 8.
ya setšhaba sengwe le sengwe mo kotsing le go lere disenyi mo molaong mo tiragatsong ya maikaelelo a, ka dinako tsotlhe ke tla -
tshegetsa Molaotheo le molao;
akanyetsa ditlhokego tsa setšhaba amogela ditlhokego tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa jaaka mothapi wa me; le dirisana le ditlhopha tse di nang le kgatlhego mo setšhabeng le mmuso mo maemong otlhe.
Gore go fitlhelelwe tikologo e e sireletsegileng le e e babalesegileng tebang le batho botlhe ba Aforika Borwa Ke ikemiseditse go -
dira ka tshiamo mo tlamelong ya tirelo e e bokgoni le ya maemo a a kwa godimo e e ka fitlhelelwang ke botlhe, mme ke tswelele go tokafatsa tirelo e;
dirisa didiriswa tsotlhe tse di leng teng ka maikarabelo, bokgoni le ka tshomarelo go oketsa tiriso ya tsona;
tokafatsa bokgoni ba me le go thusa mo tokafatsong ya badirammogo go netefatsa tekatekano ya ditšhono go botlhe;
tshwaela mo kagaongsešwa le tlhabololo le poelano mo nageng ya rona;
tshegetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa botlhokwa tsa mongwe le mongwe;
dira ka mokgwa o o sa tseyeng letlhakore, ka kelotlhoko, boikanyego, tlotlo, bosengbofitlha le ka maikarabelo;
dirisa dithata tse ke di neetsweng ka mokgwa wa maikarabelo o o laolegang; le go direla go thibela mokgwa mongwe le mongwe wa bobodu le go lere disenyi mo molaong.
